tn_1ki_text_reg/18/12.txt

1 line
547 B
Plaintext

\v 12 Ka bonako fela fa ke sena go tlogela, mowa wa Modimo Yahweh o tla bo o go rwala o go isa felo gongwe kwa ke sa go itseng. Foo fa ke ya go bolelela Ahabe, mme fa a sa go bone, o tsile go mpolaya. Mme nna, motlhanka wa gago, ke obametse Modimo Yahweh go tloga bonaneng jwa me. \v 13 A ga o a bolelelwa, mong wa me, se ke se dirileng fa Jesebele a bolaya baporofiti ba Modimo Yahweh, ka fa ke neng ka fitlha baporofiti ba Modimo Yahweh ba le lekgolo ka ditlopha tsa masome a matlhano setlhopha mo legageng mme ka ba tlamela ka borotho le metsi?