tn_1ki_text_reg/16/18.txt

1 line
591 B
Plaintext

\v 18 Jalo fa Simori a bona gore toropokgolo e tserwe, a tsena mo kagong ya phemelo e e tshwaraganyeng le ntlo ya bogosi ya kgosi, a e tshubela ka molelo mo godimo ga gagwe; ka tsela e a swela mo kgabong ya molelo. \v 19 Se e ne e le ka lebaka maleo a a a dirileng ka go dira tse di bosula mo ponong ya Modimo Yahweh, ka go tsamaya mo tseleng ya ga Jeroboame, le mo boleong jo abo dirileng, go etelela Iseraele go leofa. \v 20 Fa e le ka dikgang tse dingwe tse di amang Simori, molato o o kgatlhanong le puso o a o dirileng, a ga di a kwalwa mo bukeng ya Ditiragalo Tsa Dikgosi Tsa Iseraele?