tn_1ki_text_reg/15/18.txt

1 line
522 B
Plaintext

\v 18 Foo Asa a tsaya selefera le gauta tse di neng di setse mo mabolokelong mo ntlong ya Modimo Yahweh, le mo mabolokelong a ntlo ya bogosi ya kgosi. A di neela batlhanka ba gagwe a ba roma go di isa kwa go Bene Hatata morwa Taborimone morwa Hesione, kgosi ya Aramo, yo o nnang kwa Tamaseka. A re, \v 19 ''A go nne le kgolagano gare ga me le wena, jaaka e ne e le teng gare ga ga rre le rraago. Bona, ke go romeletse mpho ya selefera le gauta. Roba kgolagano ya gago le Baasha kgosi ya Iseraele, gore a tle a ntlogele.''