tn_1ki_text_reg/09/10.txt

1 line
409 B
Plaintext

\v 10 Go ne ga diragala gore morago ga dingwaga tse di masome a mabedi Solomone a bo a feditse go aga dikago tse pedi, tempele ya Modimo Yahweh le ntlo ya bogosi ya kgosi. \v 11 Hiramo, kgosi ya Tire, o ne a neela Solomone ditlhare tsa masitara le masipora le gauta; dilo tsotlhe tse Solomone a neng a di eletsa. Jalo kgosi Solomone a neela Hiramo ditoropokgolo di le masome a mabedi mo lefatsheng la Galalea.