tn_1ki_text_reg/08/59.txt

1 line
581 B
Plaintext

\v 59 Mme a mafoko a ke a buileng a, a ke dirileng kopo ka one fa pele ga Modimo Yahweh, a nne gaufi le Modimo Yahweh, Modimo wa rona bosigo le motshegare, gore a thuse go direga ga maikaelelo a motlhanka wa gagwe le a batho ba gagwe ba Iseraele, jaaka go tlhokega letsatsi le letsatsi; \v 60 gore batho botlhe ba lefatshe ba itse gore Modimo Yahweh, ke Modimo, le gore ga go na Modimo yo mongwe gape! \v 61 Jalo he, a pelo ya lona e nne boammaaruri mo go Modimo Yahweh, Modimo wa rona, go tsamaya mo melawaneng ya gagwe le go tshegetsa ditaolo tsa gagwe, jaaka mo letsatsing le.''