tn_1ki_text_reg/08/54.txt

1 line
613 B
Plaintext

\v 54 Jalo go ne ga digala gore fa Solomone a se na go fetsa go rapela thapelo yotlhe go kopa Modimo Yahweh, a emelela ka dinao fa pele ga aletara ya Modimo Yahweh, go tswa mo go khubameng ka mangole ka matsogo a phatlaladitswe go leba kwa magodimong. \v 55 A ema ka dinao a segofatsa kgobokano ya Iseraele ka lentswe le le kwa godimo, a re, \v 56 ''A Modimo Yahweh a galalediwe, yo o neetseng batho ba gagwe ba Iseraele boikhutso, a tshegetsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe. Ga go na lefoko le lengwe le le foloditseng la ditsholofetso tse di molemo tse Modimo Yahweh a di dirileng ka Moshe motlhanka wa gagwe.