tn_1ki_text_reg/08/46.txt

1 line
500 B
Plaintext

\v 46 A gotwe ba a go leofela, gonne ga go na ope yo o sa leofeng, mme a gotwe o ba tenegetse o bo o ba neela mmaba, gore mmaba a ba tseele kwa lefatsheng la gagwe ba le ditshwarwa, ba isiwa kgakala kgotsa gaufi. \v 47 Foo a gotwe ba lemoga gore ba mo lefatsheng le ba leng batshwarwa mo go lone, mme a gotwe ba a ikotlhaya ba bo ba kopa letlhogonolo mo go wena ba le mo lefatsheng la batshwari ba bone. A gotwe ba bua ba re, 'Re dirile tse di maswe mme re leofile. Re itshwere ka tsela e e boikepo.'