tn_1ki_text_reg/08/22.txt

1 line
587 B
Plaintext

\v 22 Solomone a ema fa pele ga aletara ya Modimo Yahweh, fa pele ga kgobokano yotlhe ya Iseraele, a phatlalaletsa matsogo a gagwe kwa magodimong. \v 23 A re, ''Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, ga go na Modimo yo o tshwanang le wena kwa magodimong kwa godimo kgotsa mo lefatsheng kwa tlase, yo o tshegetsang boikanyego jwa kgolagano ya gagwe le batlhanka ba gago ba ba tsamayang fa pele ga gago ka pelo ya bone yotlhe; \v 24 wena yo o tshegeditseng le Tafita rre, se o se mo solofeditseng. Ee, o buile ka molomo wa gago mme o diragaditse ka seatla sa gago, jaaka go ntse letsatsi leno.