tn_1ki_text_reg/02/28.txt

1 line
385 B
Plaintext

\v 28 Dikgang tsa tla kwa go Joabe, gonne Joabe a ne a eme Atonija nokeng, ntswa a se kile a ema Abosalomo nokeng. Jalo Joabe a siela kwa tenteng ya Modimo Yahweh mme a itshwarelela ka dinaka tsa aletara. \v 29 Ga bolelelwa kgosi Solomone gore Joabe o sietse kwa tenteng ya Modimo Yahweh mme o fa thoko ga aletara. Foo Solomone a roma Benaia morwa Jehoiata a re, ''Tsamaya, o mmolae.''