tn_1ki_text_reg/01/28.txt

1 line
593 B
Plaintext

\v 28 Foo kgosi Tafita a araba a re, ''Bitsang Bathesheba a boele kwa go nna.'' A tsena ka kwa kgosing a ema fa pele ga kgosi. \v 29 Kgosi a dira maikano a re, ''Jaaka Modimo Yahweh a tshela, yo o nthekolotseng mo mathateng otlhe, \v 30 jaaka ke ne ka go ikanela ka Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, ke re, 'Solomone morwao o tla busa fa morago ga me, mme o tla nna mo setilong sa me sa bogosi mo boemong jwa me,' ke tla dira se letsatsi leno.'' \v 31 Foo Bathesheba a obega ka sefatlhego se lebile fa fatshe a bo a ribama fa pele ga kgosi a re, ''A mong wa me kgosi Tafita a tshelele ruri!''