tn_1ki_text_reg/22/51.txt

1 line
506 B
Plaintext

\v 51 Ahasia morwa Ahabe o ne a simolola go busa mo Samarea mo ngwageng wa bo 17 wa ga Jehoshafate kgosi ya Juta, mme o ne a busa dingwaga di le 2 mo Iseraele. \v 52 O ne a dira tse di bosula mo ponong ya Modimo Yahweh mme a tsamaya mo tseleng ya ga rraagwe, mo tseleng ya ga mmaagwe, le mo tseleng ya ga Jeroboame morwa Nebate, ka fa a neng a etelela Iseraele ka teng go leofa. \v 53 O ne a direla Bale a bo a mo obamela, mme a rumola Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, go mo tena, jaaka rraagwe a dirile.