tn_1ki_text_reg/09/06.txt

1 line
462 B
Plaintext

\v 6 Mme fa o ka leba go sele, wena le bana ba gago, le bo le sa tshegetse ditaolo tsa me le melawana ya me e ke e beileng fa pele ga lona, gape fa le tsamaya le ya go obamela medimo e mengwe le e khubamela, \v 7 foo ke tla kgaola Iseraele mo lefatsheng le ke le ba neileng; mme ntlo e, e ke e tlhaoletseng leina la me, ke tla e latlhela kgakala le pono ya me, mme Iseraele o tla nna sekai sa dilo tse di sotlwang le selo se se tshegiwang gareng ga batho botlhe.