tn_1ki_text_reg/03/26.txt

1 line
562 B
Plaintext

\v 26 Foo mosadi yo morwawe a neng a tshela a bua le kgosi, gonne o ne a tlhomogela pelo morwawe, a re, ''Oh, mong wa me, mo neeleng ngwana yo o tshelang, mme le se ka la mmolaya ka gope.'' Mme mosadi yo mongwe a re, ''Ga a kitla a nna wa me kgotsa wa gago. Mo kgaoganyeng.'' \v 27 Foo kgosi a araba a re, ''Neelang mosadi wa ntlha ngwana yo o tshelang, mme le se ka la mmolaya ka gope. Ke ene mmaagwe.'' \v 28 Fa Iseraele otlhe a utlwa ka katlholo e kgosi a e ntshitseng, ba boifa kgosi, gonne ba ne ba bona gore botlhale jwa Modimo jwa go atlhola bo mo go ene.