tn_1ki_text_reg/03/10.txt

1 line
525 B
Plaintext

\v 10 Kopo e ya ga Solomone ya itumedisa Morena. \v 11 Jalo Modimo a mo raya a re, ''Ka gore o kopile se, ga o a ikopela botshelo jo boleele, kgotsa khumo, kgotsa matshelo a baba ba gago, mme o ikopetse go tlhaloganya gore o farologanye tsa katlholo, \v 12 bona, jaanong ke tla dira tsotlhe tse o di nkopileng fa o nneela kopo ya gago. Ke go neela pelo e e botlhale e e tlhaloganyang, gore go nne go se na ope yo o kileng a tshwana le wena mo bogologolong, le gore go se ka ga nna le yo o ka tshwanang le wena morago ga gago.