tn_1ki_text_reg/02/01.txt

1 line
800 B
Plaintext

\c 2 \v 1 Jaaka letsatsi la go swa ga ga Tafita le ne le atamela, a laela morwawe Solomone, a re, \v 2 ''Ke tsamaya tsela ya lefatshe lotlhe. Thatafala, jalo he, itshupe o le monna. \v 3 Tshegetsa ditaolo tsa Modimo Yahweh, Modimo wa gago, go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe, go utlwa melao ya gagwe, ditaolo tsa gagwe, ditshwetso tsa gagwe, le ditaolo tsa kgolagano ya gagwe, o etse tlhoko go dira se se kwadilweng mo molaong wa ga Moshe, gore o tle o atlege mo go sepe se o se dirang, gope kwa o yang teng, \v 4 gore Modimo Yahweh a tle a diragatse lefoko la gagwe le a le buileng ka nna, a re, 'Fa barwao ba ela tlhoko boitsholo jwa bone, go tsamaya fa pele ga me ka boikanyego ka pelo ya bone yotlhe le ka mowa wa bone otlhe, ga o kitla o tlhoka go nna le monna mo setilong sa bogosi sa Iseraele.'