tn_1ki_text_reg/19/01.txt

1 line
503 B
Plaintext

\c 19 \v 1 Ahabe a bolelela Jesebele tsotlhe tse Elija a di dirileng le ka fa a bolaileng baporofiti botlhe ba ga Bale ka teng ka tshaka. \v 2 Foo Jesebele a romela morongwa kwa go Elija, a re, ''Jalo a badimo ba ntire sengwe, go le gontsi ebile, fa ke sa dire botshelo jwa gago jaaka botshelo jwa mongwe wa baporofiti ba ba suleng bale kamoso ka nako e.'' \v 3 Fa Elija a utlwa se, a emelela a sia ka botshelo jwa gagwe, mme a ya kwa Beeresheba, o e leng wa Juta, mme a tlogela motlhanka wa gagwe koo.