tn_1ki_text_reg/21/11.txt

1 line
655 B
Plaintext

\v 11 Jalo banna ba toropokgolo ya gagwe, bagolwane le bahumi ba ba nnang mo torookgolong ya gagwe, ba dira jaaka Jesebele a ba tlhaloseditse, jaaka go kwadilwe mo makwalong a a ba romeletseng. \v 12 Ba laola gore go ikidiwe dijo go mme ba baya Nabothe fa godimo ga batho. \v 13 Banna ba babedi ba ba seneng boammaaruri ba tla mme ba nna fa pele ga ga Nabothe; ba supa kgatlhanong le Nabothe fa pele ga batho, ba re, ''Nabothe o hutsitse Modimo le kgosi.'' Foo ba mo rwalela kwa ntle ga toropokgolo mme ba mo kgobotletsa ka matlapa ba mmolaya. \v 14 Foo bagolwane ba romela lefoko kwa go Jesebele ba re, ''Nabothe o kgobotleditswe ka matlapa mme o sule.''