tn_1ki_text_reg/19/04.txt

1 line
571 B
Plaintext

\v 4 Mme ene a tsamaya leeto la sekgala sa letsatsi go tsena mo sekakeng, mme a tla a nna fa fatshe ka fa tlase ga setlhare sa mosu. A ikopela gore gongwe a tle a swe, a re, ''Go lekane, jaanong, Modimo Yahweh; tsaya botshelo jwa me gonne ga ke botoka go feta borraetsho ba ba suleng.'' \v 5 Jalo a rapama a robala ka fa tlase ga setlhare sa mosu. Ka tshoganyetso moengele a mo ama mme a mo raya a re, ''Tsoga o je.'' \v 6 Elija a leba, gaufi le tlhogo ya gagwe ga bo go le borotho jo bo besitsweng mo magaleng le senwelo sa metsi. Jalo a ja a bo a nwa mme a rapama gape.