tn_1ki_text_reg/14/21.txt

1 line
503 B
Plaintext

\v 21 Jaanong Rehoboame morwa Solomone o ne a busa kwa Juta. Rehoboame o ne a le dingwaga tse 40 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga tse 17 mo Jerusalema, toropokgolo e Modimo Yahweh a e kgethileng mo merafeng yotlhe ya Iseraele gore a beye leina la gagwe mo go yone. Leina la ga mmaagwe e ne e le Naama wa Moamone. \v 22 Juta o ne a dira tse di bosula mo ponong ya Modimo Yahweh; ba ne ba mo rumola gore a fufege ka maleo a ba neng ba a dira, go feta sengwe le sengwe se borraabone ba se dirileng.