tn_1ki_text_reg/14/14.txt

1 line
606 B
Plaintext

\v 14 Gape, Modimo Yahweh o tla godisa kgosi ya Iseraele yo o tla tlosang lesika la ga Jeroboame mo letsatsing leo. Gompieno ke letsatsi leo, jaanong jaana. \v 15 Gonne Modimo Yahweh o tla tlhasela Iseraele jaaka serite se tshikhinngwa mo metsing, mme o tla kumola Iseraele mo lefatsheng le le molemo le, le a le neetseng borraabone. O tla ba phatlalaletsa kwa moseja ga noka ya Yuforate, gonne ba dirile dipale tsa bone tsa Ashera mme ba rumola Modimo Yahweh gore a tenege. \v 16 O tla latlha Iseraele ka lebaka la maleo a ga Jeroboame, maleo a a a dirileng, a ka one a eteletseng Iseraele gore a leofe.''