tn_1ki_text_reg/14/11.txt

1 line
603 B
Plaintext

\v 11 Ope wa ba lelwapa la gago yo o swelang mo toropokgolong o tla jewa ke dimpya, mme yo o swelang kwa nageng o tla jewa ke dinonyane tsa magodimo, gonne Nna, Modimo Yahweh, ke buile jalo.' \v 12 Jalo emelela, mosadi wa ga Jeroboame, ya kwa lelwapeng la gago; fa dinao tsa gago di tsena ka toropokgolo, ngwana Abija o tla swa. \v 13 Iseraele otlhe ba tla mo hutsafalela ba bo ba mmoloka. Ke ene a le nosi mo lelwapeng la ga Jeroboame yo o tla tsenang mo lebitleng, ka gonne ke mo go ene a le nosi fela, mo ntlong ya ga Jeroboame, go bonweng se se molemo mo ponong ya Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele.