tn_1ki_text_reg/14/06.txt

1 line
619 B
Plaintext

\v 6 Fa Ahija a utlwa modumo wa dinao tsa gagwe fa a tsena kwa lebating, a re, ''Tsena, mosadi wa ga Jeroboame. Ke eng o itira motho yo o seng ene? Ke rometswe kwa go wena ka dikgang tse di maswe. \v 7 Tsamaya, bolelelela Jeroboame gore Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele, a re, 'Ke go godisitse gareng ga batho go go dira moeteledipele wa batho ba me ba Iseraele. \v 8 Ke gagotse bogosi go tswa mo lelwapeng la ga Tafita ka bo neela wena, mme ga o a ka wa nna jaaka motlhanka wa me Tafita, yo o neng a tshegetsa ditaolo tsa me a bo a ntshala morago ka pelo ya gagwe yotlhe, go dira tse di siameng fela mo matlhong a me.