tn_1ki_text_reg/14/04.txt

1 line
419 B
Plaintext

\v 4 Mosadi wa ga Jeroboame a dira jalo; a tswa a ya kwa Shilo mme a tla kwa ntlong ya ga Ahija. Jaanong Ahija o ne a sa kgone go bona, gonne matlho a gagwe a ne a fifetse ka lebaka la botsofe. \v 5 Modimo Yahweh a raya Ahija a re, ''Bona, mosadi wa ga Jeroboame o etla kwa go wena go batla kgakololo mabapi le morwae, gonne o a lwala. Mo reye se le sele, gonne fa a tla o tsile go itira jaaka ekete ke mosadi o sele.''