tn_1ki_text_reg/13/20.txt

1 line
551 B
Plaintext

\v 20 Jaaka ba ntse fa tafoleng, lefoko la Modimo Yahweh la tla kwa moporofiting yo o mmuseditseng morago, \v 21 mme a goela kwa monneng wa Modimo yo o tswang kwa Juta, a re, ''Modimo Yahweh a re, 'Ka lebaka la gore o tlhokile kutlo mo lefokong la Modimo Yahweh wa bo wa se ka wa tshegetsa taolo e Modimo Yahweh, Modimo wa gago a e go neetseng, \v 22 mme wa boela morago wa ja dijo wa nwa metsi mo lefelong le Modimo Yahweh a rileng o se ka wa ja dijo le fa e le go nwa metsi mo go lone, setopo sa gago ga se na go bolokwa mo lebitleng la borraago.'''