tn_1ki_text_reg/13/11.txt

1 line
518 B
Plaintext

\v 11 Jaanong ga bo go le moporofiti wa motsofe yo o neng a nna mo Bethele, mongwe wa barwae a mmolelela dilo tse tsotlhe tse monna wa Modimo a di dirileng mo Bethele letsatsi leo. Barwae ba boa ba mmolelela se monna wa Modimo a se buileng le kgosi. \v 12 Rraabone a ba raya a re, ''O tsamaile ka tsela efe?'' Jaanong barwae ba ne ba bone tsela e monna wa Modimo go tswa kwa Juta a tsamaileng ka yone. \v 13 Jalo a raya barwae a re, ''Mpeeleng sale mo tonking.'' Jalo ba baya sale mo tonking, mme a e palama a tsamaya.