tn_1ki_text_reg/13/04.txt

1 line
448 B
Plaintext

\v 4 Fa kgosi a utlwa se monna wa Modimo a se buileng, gore o goile kgatlhanong le aletara e e kwa Bethele, Jeroboame a otlolola letsogo la gagwe go tswa mo aletareng, a re, ''Mo tshwareng'' Foo letsogo le a le otlolotseng kgatlhanong le monna la omelela, mo a neng a palelwa ke go le busa. \v 5 Aletara le yone ya phatloga, mme melora ya tshologa mo aletareng, jaaka go kailwe ke sekai se se builweng ke monna wa Modimo ka lefoko la Modimo Yahweh.