tn_1ki_text_reg/11/23.txt

1 line
512 B
Plaintext

\v 23 Modimo a godisa mmaba yo mongwe gape kgatlhanong le Solomone, Resone morwa Eliata, yo o neng a sia go tswa mo go mong wa gagwe Hatatesa, kgosi ya Soba. \v 24 Resone o ne a ikgobokanyetsa banna a nna moetelela sesole se se nnye, fa Tafita a fenya banna ba Soba. Banna ba ga Resone ba ne ba ya kwa Tamaseko mme ba nna koo, mme Resone a laola Tamaseko. \v 25 O ne a le mmaba wa Iseraele matsatsi otlhe a ga Solomone, mmogo le mathata a Hatata a neng a a tsisa. Resone o ne a ila Iseraele, mme a busa mo Aramo.