tn_1ki_text_reg/10/28.txt

1 line
479 B
Plaintext

\v 28 Solomone o ne a ruile dipitse tse di neng di tswa kwa Egepeto lekwa Kilikia. Bagwebi ba kgosi ba ne ba di reka ka ditlhopha, setlhopha sengwe le sengwe se na le tlhwatlhwa ya sone. \v 29 Dikolotsana tsa ntwa di ne di rekiwa go tswa kwa Egepeto, e le nngwe e rekwa ka dishekele tsa selefera di le makgolo a marataro, fa dipitse tsone di rekwa ka dishekele tse lekgolo le masome a matlhano e le nngwe. Bontsi jwa tsone di ne di rekisediwa dikgosi tsotlhe tsa Bahiti le Aramo.