tn_1ki_text_reg/10/21.txt

1 line
539 B
Plaintext

\v 21 Dikopi tsotlhe tsa ga kgosi Solomone di ne di dirilwe ka gauta, mme le dikopi tsotlhe mo ntlong ya bogosi ya Sekgwa sa Lebanone di ne di dirilwe ka gauta ya tlhwatlhwa. Ga go na epe ya tsone e e neng e le ya selefera, gonne selefera e ne e sa kaiwe e na le tlhwatlhwa mo matsatsing a ga Solomone. \v 22 Kwa lewatleng kgosi o ne a na le dikepe tse di tsamayang mo mawatleng a matona, ditsamaya le tsa ga Hiramo. Gangwe mo dingwageng tse tharo dikepe di ne di tsisa gauta, selefera, dinaka tsa ditlou, ga mmogo le dikgabo le ditshwene.