tn_1ki_text_reg/10/03.txt

1 line
461 B
Plaintext

\v 3 Solomone o ne a araba dipotso tsa gagwe tsotlhe. Ga go na sepe se a se boditseng se kgosi a se kileng a se araba. \v 4 Fa kgosigadi ya Sheba a bona botlhale jotlhe jwa ga Solomone, ntlo ya bogosi e a e agileng, \v 5 dijo tse di mo tafoleng ya gagwe, go nna ga batlhanka ba gagwe, tiro ya batlhanka ba gagwe le diaparo tsa bone, gape le batshwarakopi ba gagwe, le tsela e a ntshang meneelo e e fisiwang ka yone mo ntlong ya Modimo Yahweh, a felelwa ke mowa.