tn_1ki_text_reg/07/27.txt

1 line
544 B
Plaintext

\v 27 Hurame a dira ditlhomo tse di lesome tsa kgotlho. Setlhomo sengwe le sengwe se le boleele jwa mithara phegelwana borobabobedi, boatlhamo jwa mithara phegelwana borobabobedi, le bogodimo jwa mithara phegelwana boraro. \v 28 Tiro ya ditlhomo e ne e ntse jaana. Di ne di na le dika-mabati tse di neng di le fa gare ga maotwana le mepako, \v 29 mme mo dika-mabating le mo maotwaneng le mo mepakong go ne go na le ditau, dipholo le dicheruba. Fa godimo le kwa tlase ga ditau le dipholo go ne go na le dikgare tse di dirilweng ke bathulatshipi.