tn_1ki_text_reg/07/13.txt

1 line
349 B
Plaintext

\v 13 Kgosi Solomone a roma a tsisa Hurame go tswa kwa Tire. \v 14 Hurame e ne e le morwa motlholagadi wa morafe wa Nafithale; rraagwe e ne e le motho wa kwa Tire, mothudi wa kgotlho. Hurame o ne a tladitswe ka botlhale le go tlhaloganya, le kitso ya go dira tiro e kgolo ka kgotlho. O ne a tla kwa go kgosi Solomone go direla kgosi tiro ka kgotlho.