tn_1ki_text_reg/06/16.txt

1 line
563 B
Plaintext

\v 16 Kwa morago ga ntlo a aga dimithara tse robang bongwe ka dipolanka tse di phaphathi tsa masitara go tswa mo bodilong go ya kwa borulelong. A aga ntlo e go nna ntlo ya ka kwa teng, go nna felo ga boitshepo. \v 17 Yone ntlo, ke gore tempele, lefelo le le boitshepo fa pele ga lefelo la boitshepo jwa boitshepo, le ne le le boleele jwa dimithara tse lesome le bofera bobedi. \v 18 Go ne go na le masitara mo teng ga ntlo, a setilwe ka tshwano ya makatane le dithunya tse di bulegileng. Gotlhe mo teng e ne e le masitara. Go ne go sa bonale letlapa gope mo teng.