tn_1ki_text_reg/06/05.txt

1 line
523 B
Plaintext

\v 5 A aga matlwana a mathudi a a tlhatlaganyeng a ikaegile ka lebota la ntlo, go dikologa ntlo e e ka kwa teng le e e ka kwa ntle. A aga matlwana mo matlhakoreng otlhe. \v 6 Lethudi le le kwa tlase le le bophara jwa dimithara di le pedi phegelwana bobedi, le le kwa godimo lone le le bophara jwa dimithara tse pedi phegelwana bosupa, la boraro le le bophara jwa dimithara di le tharo phegelwana bongwe. Gonne o ne a dirile marudi mo leboteng la ntlo go e dikologa gore ditlhomeso di se ka tsa tsenngwa mo leboteng la ntlo.