tn_1ki_text_reg/04/29.txt

1 line
457 B
Plaintext

\v 29 Modimo a neela Solomone botlhale jo bogolo le go tlhaloganya, le go tlhaloganya mo go bophara jaaka motlhaba fa letshitshing la lewatle. \v 30 Botlhale jwa ga Solomone bo ne jwa feta jwa batho botlhe ba botlhabatsatsi le botlhale jotlhe jwa Egepeto. \v 31 O ne a le botlhale go feta batho botlhe - go feta Ethane wa Moeserahi, Hemane, Khalekholo, le Tarata, barwa Maholo - mme go tuma ga gagwe ga fitlha kwa ditshabeng tsotlhe tse di mo dikologileng.