tn_1ki_text_reg/04/20.txt

1 line
687 B
Plaintext

\v 20 Juta le Iseraele ba ne ba le bantsi jaaka motlhaba go bapa le lewatle. Ba ne ba ja ba nwa mme ba itumetse. \v 21 Solomone o ne a busa magosi otlhe go tswa fa Nokeng go ya kwa lefatsheng la Bafilisitia le go ya kwa molelwaneng wa Egepeto. Ba ne ba tsisa makgetho ba bo ba direla Solomone matsatsi otlhe a botshelo jwa gagwe. \v 22 Tse di neng di neelwa Solomone mo letsatsing e ne e le dikoro di le masome a mararo tsa bupe jo bo boleta le dikoro di le masome a marataro tsa phaletshe, \v 23 dipholo tse di nonneng di le lesome, dipholo tse di masome mabedi tse di tswang kwa nageng, dinku tse di lekgolo, go sa balwe dikwalata, diphala, ditshepe, le dinonyane tse di nontshitsweng.