tn_1ki_text_reg/03/18.txt

1 line
481 B
Plaintext

\v 18 Ga diragala mo letsatsing la boraro ke se na go tshola ngwana, mosadi yo le ene a tshola ngwana. Re ne re le mmogo. Go ne go se na ope yo mongwe mo ntlong, e ne e le bobedi jwa rona fela mo ntlong. \v 19 Foo morwa wa mosadi yo a swa mo bosigong, gonne o ne a robala mo godimo ga gagwe. \v 20 Jalo a tsoga bosigogare a tsaya morwaake fa thoko ga me, motlhanka wa gago a santse a robetse, a mo robatsa fa lebeleng la gagwe, mme a robatsa morwawe yo o suleng fa lebeleng la me.