tn_1ki_text_reg/03/07.txt

1 line
472 B
Plaintext

\v 7 Mme jaanong, Modimo Yahweh, Modimo wa me, o dirile motlhanka wa gago kgosi mo boemong jwa ga Tafita rre, ntswa ke le ngwana yo monnye. Ga ke itse go tswa le go tsena. \v 8 Motlhanka wa gago o fa gare ga batho ba o ba kgethileng, batho ba bagolo, ba ba bontsi jo bo sa balweng. \v 9 Jalo neela motlhanka wa gago pelo e e tlhaloganyang go atlhola batho ba gago, gore ke farologanye bosula le bomolemo. Gonne ke mang yo o kgonang go atlhola batho ba gago ba bagolo ba?''