tn_1ki_text_reg/02/30.txt

1 line
395 B
Plaintext

\v 30 Jalo Benaia a tla fa tenteng ya Modimo Yahweh a mo raya a re, ''Kgosi a re, 'Tswa mo teng.''' Joabe a fetola, ''Nnyaa, ke tla swela fa.'' Jalo Benaia a boela kwa kgosing a re, ''Joabe a re o batla go swela fa aletareng.'' \v 31 Kgosi a mo raya a re, ''Dira jaaka a buile. Mmolae o bo o mmoloke, gore o tle o tlose mo go nna le ba ntlo ya ga rre madi a Joabe a a tsholotseng a se na lebaka.