tn_1ki_text_reg/02/13.txt

1 line
477 B
Plaintext

\v 13 Foo Atonija morwa Hagithi a tla kwa go Bathesheba mmaagwe Solomone. A mo raya a re, ''A o tla ka kagiso?'' A fetola, ''Ka kagiso.'' \v 14 Foo a re, ''Ke na le sengwe se ke batlang go se go raya.'' Jalo a fetola a re, ''Bua.'' \v 15 Atonija a re, ''O itse gore bogosi e ne e le jwa me, le gore Iseraele otlhe o ne a solofetse gore ke nne kgosi. Le fa go ntse jalo, bogosi bo ne jwa retololwa jwa nna jwa ga morwarre, gonne e ne e le jwa gagwe go tswa kwa go Modimo Yahweh.