tn_1ki_text_reg/02/08.txt

1 line
464 B
Plaintext

\v 8 Bona, o na le Shimei morwa Gera, Mobenjamene wa Bahurimi, yo o neng a mphutsa ka phutso e e makgwakgwa ka letsatsi le ke neng ke ya kwa Mahanaimi. Shimei o ne a fologela tlase go nkopantsha kwa Jorotane, mme ke ne ka mo ikanela ka Modimo Yahweh, ke re, 'Ga ke na go go bolaya ka tshaka.' \v 9 Jalo he, o se ka wa mo lesa a falola kotlhao. O monna yo o botlhale, o tla itse gore o dire eng ka ene. O tla isa tlhogo ya gagwe e e putswa kwa lebitleng ka madi.'''