tn_1ki_text_reg/01/49.txt

1 line
445 B
Plaintext

\v 49 Foo baeng botlhe ba ga Atonija ba tshoga thata. Ba ema ka dinao mme mongwe le mongwe a tsamaya tsela ya gagwe. \v 50 Atonija a boifa Solomone, a ema ka dinao, a tsamaya, mme a ya go itshwarelela ka dinaka tsa aletara. \v 51 Foo ga bolelelwa Solomone, go twe, ''Bona, Atonija o boifa kgosi Solomone, gonne o itshwareletse ka dinaka tsa aletara, a re, 'A kgosi Solomone a inkanele pele gore ga a na go bolaya motlhanka wa gagwe ka tshaka.'''