tn_1ki_text_reg/01/38.txt

1 line
514 B
Plaintext

\v 38 Jalo Satoko wa moperesiti, Nathane wa moporofiti, Benaia morwa Jehoiata, le Bachereti le Bapeleti ba ya kwa tlase ba pega Solomone mo mmoulong wa ga kgosi Tafita; ba mo tsisa kwa Gihone. \v 39 Satoko wa moperesiti a tsaya lonaka lwa leokwane mo tenteng mme a tlotsa Solomone. Foo ba letsa torompeta, mme batho botlhe ba re, ''Tshelela ruri kgosi Solomone!'' \v 40 Foo batho ba mo sala morago, mme batho ba letsa difulutu ba itumela boitumelo jo bogolo, mo lefatshe le ileng la tshikhinyega ka modumo wa bone.