\v 9 Dikago tse di ne di apesitswe ka matlapa a a tlhwatlhwa a a gabilweng, a a lekantsweng sentle a kgaotswe ka shaga a bile a rethefaditswe mo matlhakoreng otlhe. Matlapa a a ne a dirisitswe go tswa kwa moalong go ya kwa matlapeng a a kwa godimo, mme gape le ka kwa ntle go fitlha kwa lelwapaneng le legolo. \v 10 Moalo o ne o agilwe ka matlapa a magolo a tlhwatlhwa a boleele jwa dimithara tse tharo phegelwana botlhano le dimithara tse nne.