\v 17 \v 18 \v 19 Jaanong go ne go le mo pelong ya ga Tafita, rre, go agela leina la Modimo Yahweh, Modimo wa Iseraele ntlo. Mme Modimo Yahweh a raya Tafita, rre a re, 'Ka gore go ne go le mo pelong ya gago go agela leina la me ntlo, o dirile sentle gore go bo go le mo pelong ya gago. Mmme fela ga o na go aga ntlo; boemong jwa moo, morwao, ene yo o tla tsholwang go tswa mo lethekeng la gago, o tla agela leina la me ntlo.'