\v 12 Jalo Jeroboame le batho botlhe ba tla kwa go Rehoboame mo letsatsing la boraro, jaaka kgosi a laetse fa a ne a re, ''Boelang kwa go nna ka letsatsi la boraro.'' \v 13 Kgosi a araba batho mo go makgwakgwa a ikgatholosa kgakololo e bannabagolo ba mo e neetseng. \v 14 O ne a bua le bone a setse morago kgakololo ya bannana; a re, ''Rre o ne a le imetsa jokwe e e bokete, mme nna ke tla oketsa mo jokweng ya lona. Rre o ne a le otlhaya ka dime, mme ke tla le otlhaya ka diphepheng.''