\v 51 \v 52 Ke batho ba gago ba o ba kgethileng, ba o ba namotseng kwa Egepeto jaaka ekete ba tswa mo boubelong jo tshipi e direlwang mo go jone. Ke rapela gore matlho a gago a bulegele kopo ya motlhanka wa gago le dikopo tsa batho ba gago ba Iseraele, go ba reetsa nako le nako fa ba lelela kwa go wena. \v 53 Gonne o ba tlhaotse go tswa mo gare ga batho botlhe ba lefatshe go nna batho ba gago le go amogela ditsholofelo tsa gago, jaaka o tlhalositse ka Moshe motlhanka wa gago, fa o ne o ntsha borraarona mo Egepeto, Morena Yahweh.''