\c 1 \v 1 Fa kgosi Tafita a tsofetse thata, ba ne ba mo khurumetsa ka dikobo, mme o ne a sa kgone go thuthafalelwa. \v 2 Jalo batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re, ''A re batleleng mong wa rona kgosi kgarebana e nnye. A a direle kgosi, mme a mo tlhokomele. A a robale le kgosi mo bolaong gore mong wa rona kgosi a thuthafalelwe.''