\v 48 Solomone a dira dilo tsotlhe tse di bewang mo ntlong tse di mo tempeleng ya Modimo Yahweh ka gauta: aletara ya gauta le tafole e borotho jwa bolengteng bo neng bo a go bewa mo go yone. \v 49 Ditlhomo tsa mabone, tse tlhano ka kwa letlhakoreng la moja, tse tlhano ka kwa letlhakoreng la molema, fa pele ga ntlo e e ka kwa teng, e ne e le tsa gauta ya tlhwatlhwa, le dithunya, ditlhomo tsa mabone, le dikgoge e ne e le tsa gauta.